MMELE WA MOTHO YO O GOGANG
Mo disekontong dingwe le dingwe tse di 8, go na le motho yo o swang, go rialo Mokgatlho wa Boitekanelo wa Lefatshe. Dipatlisiso di supa gore batho ba ba gogang mo bošweng jwa bone (jaaka go feta diperesente di le 70 ba tsuba), mme ba tsweletse go goga mo diketengpedi kgotsa go feta, ba tla tlhokafala pele ga dingwaga di le 20 go ya go di le 25 go feta bao ba iseng ba goge. Ga se fela kankere ya mafatlha le bolwetse jwa pelo tse di tlholang mathata a boitekanelo le loso. Fa tlase fa, dingwe tsa ditlamorago tsa go goga tse di sa phasaladiwang thata go tswa kwa tlhogong go ya kwa monwaneng wa leoto.
Go latlhegelwa ke moriri: Go goga go koafatsa itshereletso ya mmele, mme go dire gore mmele o tlhaselwe ke malwetse a a jaaka lupus erythematosus, e e ka bakang latlhegelwa ke moriri, dikgeleswa ka fa leganong le disonyana mo sefatlhegong, letlalo la tlhogo le mo diatleng.
Diphororo: Go na le tumelo ya gore go goga go baka kgotsa go ka gakatsa maemo a matlho. Batho ba ba gogang ba na le seelo sa diperesente di le 40 tsa diphororo, go fifala ga letha la leitlho le le thibelang lesedi, mme go ka lebisa kwa go foufaleng. Go goga go baka diphororo ka mekgwa e mebedi: ka go dira gore matlhotlho a tlhotlhone le ka go ntshetsa dikhemikhale ka mo matshwafong tse morago di tsamayang le madi go tsena ka mo matlhong. Go goga gape go golaganngwa le koafala ga letha fa o gola, bolwetse jwa matlho jo bo sa alafegeng jo bo go tlholwa ke koafalo ya karolo e e fa gare ya retina, e e itsegeng jaaka letha. Letha le botlhokwa mo go tsepamiseng pono ya matlho, mme le laola bokgoni jwa rona go ka buisa go kgweetsa koloi, go gakologelwa difatlhego le mebala, le go bona dilo sentle.
Matsutsuba a letlalo: Go goga go tsofatsa letlalo pele ga nako ka ga latlhegelwa ke diporoteine tse di dirang gore le ngaologe, go fetsa vitamini A le go kgoreletsa kelelo ya madi. Letlalo la motho yo o gogang le omeletse, le magwata ka methalo e e mafaratlhatlha, segolo go dikologa ditokololo le matlho.
Go latlhegelwa ke kutlo: Ka ntlha ya gore go goga go baka polaka legogo mo maboteng a methapo ya madi, go fokotsa kelelo ya madi go ya kwa botennye jwa tsebe, batho ba ba gogang ba ka latlhegelwa ke kutlo ka pele go na le batho ba ba sa gogeng, mme ba tshabelwa ke go latlhegelwa ke kutlo go go bakiwang ke ditshwaetsego tsa ditsebe kgotsa modumo o mogolo. Gape batho ba ba gogang ba na le dikgonagalo tse di fetang boraro go na le batho ba ba sa gogeng go tshwaetsega ka fa gare ga tsebe go go ka lebisang kwa mathateng a a jaaka tshoromo ya boboko le go senyega ga sefatlhego.
Kankere ya letlalo: Go goga ga go bake melanoma kankere e nako nngwe e ka nnang kotsi thata, mme e oketsa kgonagalo ya go swa ka ntlha ya teng. Batho ba ba gogang ba na le matshosetsi a a gabedi a go tlhaselwa ke kankere ya cutaneus squamous - kankere e e tlogelang makakaba a mahibidu mo letlalong.
Go bola ga meno: Go goga go tshwenyana le khemistri ya molomo, go baka polaka e e feteletseng, meno a a fetogang go nna sorolane le go baka go bola ga meno. Kgonagalo ya go latlhegelwa ke meno ya batho ba ba gogang ke bongwe le seripa.
Go buduloga ga dikgetsana tsa mowa tsa matshwafo: Godimo ga kankere ya matshwafo, go goga go baka go buduloga ga dikgetsana tsa mowa tsa matshwafo, go ruruga le go phatloga ga dikgetsana tsa mowa go go fokotsang bokgoni jwa matshwafo go tsaya okosijene le go ntsha khabontaeokesaete. Mo mabakeng a a thata, trakhiostomi e thusa balwetse go hema. Go phunngwa phatlha mo kgokgotsong le setsenyamowa go pateletsa mowa go tsena ka mo matshwafong bona setshwantsho. Khupelo e e kwa godimo ga e a bontshiwa e dira gore go tlale mamina a tlatseng boladu, se se bakang segotlhala se se botlhoko le mathata a go hema.
Osteoporosisi: Khabonomono-okosaete, gase e e kotsi thata ya e tswang mo diokesosong tsa koli le mosi wa sekerete, e kgomarela mo mading bonolo go na le okosijene, e kgaola maatla a a rweleng ke okosijene mo mading a batho ba ba gogang ka bokana ka diperesente di le 15. Ka ntlha ya se, marapo a batho ba ba gogang a latlhegelwa ke boleng, robega bonolo, mme a tsaya nako e telele ya bokana ka diperesente di le 80 go fola. Gape batho ba ba gogang ba tshabelwa ke mathata a mokotla: nngwe ya dipatlisiso e supa fa e le gore badiri kwa diintasetering ba ba gogang ba na le kgonagalo e e kana ka botlhano ya go itemogela ditlhabi tsa mokotla morago ga kgobalo.
Bolwetse jwa pelo: leso le lengwe mo gare ga a le mararo mo lefatsheng ke ka ntlha ya malwetse a a amanang le pelo. Go goga ke lengwe la mabaka a magolo a a tlholang malwetse a a amanang le pelo.
Malwetse a, a bolaya batho ba ba fetang milione ka ngwaga mo dinageng tse di tlhabologang. Malwetse a pelo a a amanang le go goga a bolaya batho ba ba fetang 600 000 mo dinageng tse di tlhabologileng.
Go goga go dira gore pelo e beletse ka bonako, go tlhatlosa kgatelelo ya madi le go oketsa kgonagalo ya kgatelelo e e kwa godimo thata ya madi le go thibana ga ditshika tse di pompelang madi kwa pelong, mme kwa bokhutlong go bake go kubugelwa ke pelo le seterouku.
Ditlhagala tsa mala: Go goga go koafatsa kgotlelelo ya kemokgatlhanong le dibaketeria tse di bakang ditlhagala tsa mala.
Gape go koafatsa bokgoni jwa mala go timola bogale jwa asiti morago ga dijo, go tlogela asiti go ja dipota tsa mala. Go bokete go alafa ditlhagala tsa batho ba ba gogang, mme go na le kgonagalo ya gore di ka tlhagelela gape.
Menwana e e fetofileng mmala: bokgaga jwa mosi wa sekerete bo kokoana mo menwaneng le mo dinaleng, bo dira gore di nne le mmala o o bosetlha jo bo sorolane.
Kankere ya Popelo le go fetelwa: Ntle le go oketsa matshosetsi a kankere ya kgotshane le popelo, go goga go bakela basadi mathata a go ka ima le marara ka motsi wa boimana le ka motlha wa go belega.
Go goga ka paka ya boimana go oketsa matshosetsi a boima jo bo kwa tlase le ditlamorago tsa botshelo jo bo sa itekanelang mo baneng. Go fetolwa go tlwaelegile thata ga 2 go go ga 3 mo basading ba ba gogang,fela jaaka bana ba ba belegwang ba fedile ka ntlha ya tlhaelo ya okosijene le motlhana o o sa itekanelang go go tlholwang ke khabonomonookesaete le nikhotini e e mo sekereteng. Go tlhokofala ga masea ka bonako le gona go ka golaganngwa le go goga. Go tlaleletsa se, go goga go ka fokotsa maemo a eseterojene go go bakang monophose pele ga nako.
Sepêmê se se golofetseng: Go goga go ka golofatsa sepêmê le go senya DNA ya sona, mme ga baka go fetelwa kgotsa bogole mo pelegong. Dipatlisiso dingwe di supile gore banna ba ba gogang ba na le matshosetsi a a kwa godimo a go dira ngwana yo o ka tshwarwang ke khensa. Gape go goga go ngotla palo ya disepêmê le go fokotsa kelelo ya madi go ya kwa motsokwaneng, go go ka bakang go tlhoka thari. Boopa bo tlwaelegile mo bathong ba ba gogang.
Bogwata (soriasisi) : Batho ba ba gogang ba na le kgonagalo ya gabedi kgotsa gararo ya go nna le bogwata, maemo a a sa feteleng a letlalo a a tlogelang dibata tse di tlhotlhonang tse khibidu mo mmeleng otlhe.
Bolwetse jwa Buerger: Bolwetse jwa Buerger, jo gape bo itsegeng jaaka thromboangitis obliterans, ke go ruruga ga diisamadi, ditshika, le methapo mo maotong, thata, bo lebisa kwa kganelong ya kelelo ya madi. Fa bo ka se tlhokomelwe, bolwetse jwa Buerger bo ka tlhola kankerini (go swa ga methapo ya mmele) le go kgaolwa ga dikarolo dirwe tse di amegileng.
Kankere: Dire tse di fetang 40 tsa motsoko di supilwe fa di tlhola kankere. Go na le kgonagalo ya bokana ka 22 ya gore batho ba ba gogang ba nne le kankere 16a go na le ba ba sa gogeng. Mme go ya ka dipalopalo tsa dipatlisiso, fa motho a goga lobaka lo lo leele, go na le kgonagalo ya go tshwarwa ke dikankere tse dingwe, go akaretsa kankere ya nko (kgonagalo e feta ga 2) 16b; leleme 16C; molomo, dikgetsana tsa mathe le mogolo; (ga 6 go ya go 27); kgokgotso (ga 12);
mometso ga 8 go ya go ga 10; kodu ga 10 go ya go ga 18; mala ga go ya go ga 3); diphilo (ga 5) 16d senya (ga 3) motsokwana (ga 2 go ya go ga 3; lebete ga 2 go ya go ga 5; 16e malana ga 3; le motete ga 5 go ya go ga 6. Dipatlisiso tse dingwe di lemogile kamano magareng ga go goga le go kankere ya mafatlha 16f.
Kwa tshimologong e ntshitswe ke makasine wa COLOURS, phasalatso ya bo 21, Phukwi - Phatwe 1997.
